Go Tokafatsa Baithuti ba ba nang le Bokgoni jwa go Tlhama le go Arogana Tshedimosetso ka Inthanete
Go na le maikaelelo a le mane a barutwana ba ba nang le bokgoni jwa go tlhama le go arogana tshedimosetso ka inthanete, a mangwe le mangwe a one a akaretsang maikemisetso a go ithuta. Le fa mangwe a maikaelelo a bokgoni jwa go tlhama le go arogana tshedimosetso ka inthanete a boeletsa melawanatheo e e ntseng e tsewa e le ya botlhokwa go tloga kgale ya bokgoni jwa go lemoga le go dirisa tshedimosetso, a mangwe ke a mantšhwa, a a bontshang maemo a gompieno a a fetogang a tshedimosetso. Bontsi jwa maikaelelo a a rileng a go ithuta a farologana kgakala thata le kitso e e tlwaelegileng ya go lemoga le go dirisa tshedimosetso, go neela dipoelo tse di ka dirisiwang mo mefuteng e e farologaneng ya mafelo a thuto.
Go ithuta go nna le bokgoni jwa go tlhama le go arogana tshedimosetso ka inthanete go wela mo dikarolwaneng tse nne: tsa maitsholo (se baithuti ba tshwanetseng go nna le bokgoni jwa go se dira fa ba feditse ka katlego ditirwana tsa go ithuta —bokgoni), monagano (se baithuti ba tshwanetseng go se itse fa ba feditse ka katlego ditirwana tsa go ithuta—tlhaloganyo, thulaganyo, tiriso, tshekatsheko), maikutlo (diphetogo mo maikutlong a barutwana ka go tsaya karolo mo ditirwaneng tsa go ithuta), le kitso (se barutwana ba se akanyang ka dikakanyo tsa bone—go tlhaloganya ka go lebelela se ba se dirang gore ba ithuta jang le gore ke goreng ba ithuta, se ba se itseng le se ba sa se itseng, dikakanyetsopele tsa bone, le gore ba tswelela jang go ithuta). Maikaelelo mangwe le mangwe a go ithuta fa tlase a wela mo setlhopheng se le sengwe kgotsa mo ditlhopheng di le dintsi tsa ditlhopha tse, mme a supilwe ka tsela e e ntseng jalo (B ke sa maitsholo, C sa monagano, A sa maikutlo, M sa kitso).
Maikaelelo a a go ithuta a dumela gore “barutwana” ba ba nang le bokgoni jwa go tlhama le go arogana tshedimosetso ka inthanete, jaaka ba bidiwa fano, ba tshwanetse go ithuta mo go tswelelang, fa go akanyediwa lemorago le le fetogang ka gale le ka bonako la tshedimosetso. Bafatlhosi le barutwana ba ka fitlhelela maikaelelo a ka ditsela tsa mefutafuta, go ya ka maemo a go ithuta, ka go tlhopha mo lenaneng la ditirwana tsa go ithuta. Maikaelelo a tsewa ka tsela e e anameng, gore a sale a ntse a kgona go oketsega kgotsa go fokotsega ka bogolo, go tlhamega, le go fitlhelesega mo maemong a a farologaneng.
Maikaelelo 1: Go sekaseka ka matlhagatlhaga matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng fa gape go sekasekiwa go sekamela mo letlhakoreng le le rileng ga motho o o rileng
- Go rurifatsa kitso ya boitseanape mme o amogela gore go na le baitseanape/bomankge. (A, C)
- Go amogela gore matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng ga o tlhamelwe ka dinako tsotlhe mabaka a a ka fa molaong, le gore go na le tshekamelo ya ka mo letlhakoreng lengwe, e ka bobedi e sa bonaleng le e e bonalang. (C)
- Go akanya ka kelotlhoko gore o ikutlwa jang ka ga tshedimosetso kgotsa maemo a tshedimosetso go akanyetsa megopolo e mentsi. (A, M)
- Go batla ka boitemogo tshedimosetso mo mefutafuteng ya megopolo le metswedi. (B)
- Go netefatsa gore maikemisetso a motswedi, mofuta wa tokomane, le tsela ya thomelo di ama jang boleng jwa yone mo maemong a a rileng. (B, C)
- Go farologanya fa gare ga ditshwaelo tsa tseleganyo le mogopolo o o ikaegileng ka tlhotlhomiso, go lemoga gore melawanatheo le ditumelo di tsenyeleditswe mo tshedimosetsong yotlhe. (C)
- Go tlhomamisa boleng jwa tshedimosetso ya semmuso le e e seng ya semmuso go tswa mo metsweding e e farologaneng ya inthanete, e e jaaka ya akatemeki, e e tlhamilweng ke modirisi mongwe, le di-OER. (C)
- Go sekaseka tshedimosetso e e tlhamilweng ke modirisi mongwe mo maemong a mafaratlhatlha a botsalano le go farologanya fa gare ga maikutlo le ntlha ya mmatota.(B, C)
- Go sekaseka mo go tseneletseng tshedimosetso go tswa mo metsweding yotlhe, go akaretsa matheriale o o fetogang o o tlhagelelang mo webosaeteng, o o anamisiwang ka tiriso ya inthanete. (B)
- Go tlhatlhoba gore o ikutlwa jang ka tshedimosetso e e tlhagisitsweng le gore se se ama jang tsibogo ya gago. (A, M)
Maikaelelo 2: Go samagana le kitso le dikakanyo tsotlhe tsa boitlhamedi tse di sireleditsweng ka tetlokhopi go ya ka melawana e e siameng ya maitsholo le ka maikarabelo
- Go farologanya fa gare ga go tlhama tshedimosetso ya kwa tshimologong le go tokafatsa matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng o o reboletsweng laesense e e nang le sete ya mabaka a a dirisiwang mo tlhamong ya kwa tshimologong a gore mongwe le mongwe yo o dirisang tlhamo eo o tshwanetse go latela melawana le mabaka a laesense. (C)
- Go tlhama ka maikarabelo le go arogana tshedimosetso ya kwa tshimologong le go tokafatsa le go dirisa sešwa go ya ka melawana e e siameng ya maitsholo matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng o o reboletsweng laesense e e nang le sete ya mabaka a a dirisiwang mo tlhamong ya kwa tshimologong a gore mongwe le mongwe yo o dirisang tlhamo eo o tshwanetse go latela melawana le mabaka a laesense. (B)
- Go farologanya fa gare ga tshedimosetso ya botlhe le ya sebele le go dira ditshwetso tse di latelang melawana e e siameng ya maitsholo le tse di nang le dintlha ka botlalo ka ga go arogana tshedimosetso ka tsela e e maleba mo inthaneteng. (C)
- Go farologanya fa gare ga tetlokhopi, dilaesense tse di kgontshang kanamiso e e sa duelelweng le e e gololesegileng ya tlhamo, le sete ya mabaka a a dirisiwang mo tlhamong ya kwa tshimologong a gore mongwe le mongwe yo o dirisang tlhamo eo o tshwanetse go latela melawana le mabaka a laesense ka bobedi mo tlhamong le mo thebolelong ya laesense ya matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng wa kwa tshimologong kgotsa o o dirisiwang seš (B, C)
- Go supa le go latela ditsholofelo tse di rileng tsa kumako ya motswedi kgotsa mokwadi wa dikakanyo tse di rileng tsa boitlhamedi tse di sireleditsweng ka tetlokhopi mo seemong se o direlang mo go sone. (B, C)
Maikaelelo 3: Go tlhama le go arogana tshedimosetso mo maemong a tirisanommogo le botsayakarolo
- Go ipona jaaka motlhami ga mmogo le modirisi wa tshedimosetso. (A, M)
- Go tsaya karolo ka matsetseleko le go ya ka melawana e e siameng ya maitsholo mo maemong a tirisanommogo. (B)
- Go sireletsa khupamarama ya sebele le go sireletsa tshedimosetso ya gago ya mo inthaneteng. (B, C)
- Go arogana kitso ka nepagalo le ka tsela e e nonofileng ka tlhamo ya matheriale o o tlhagelelang mo inthaneteng ka go dirisa ditsela le dipopego tse di maleba le tse di fetogang. (B)
- Go fetisetsa tshedimosetso e e tlhagisitsweng ka tsela e e rileng mo tseleng e nngwe go fitlhelela ditlhoko tsa bareetsi ba ba rileng ka tsela e e gaisang. (B, C)
- Go lemoga gore gape barutwana ke barutabana le gore ba ruta se o se itseng kgotsa ba ithuta mo maemong a tirisanommogo. (A, B, C)
- Go sekaseka mo go tseneletseng le go rurifatsa matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng o o tlhamilweng ke modirisi yo o rileng le go o dirisa ka tsela e e maleba mo tlhamong ya kitso e ntš (B, C)
- Go lemoga dikaedi le melawana e e farologaneng go tlhama le go arogana tshedimosetso ya bareetsi mo lefatsheng ka bophara. (B, C)
Maikaelelo 4: Go dira ditogamaano tsa go ithuta go fitlhelela maikaelelo a sebele le a porofešenale a botshelo jotlhe
- Go lemoga gore go ithuta ke motseletsele wa ditirego le gore go akanya ka kelotlhoko ka diphoso go feleletsa go dirile gore go nne le dikitso le ditemogo tse dintš (M)
- Go sekaseka go ithuta go tlhomamisa kitso e e bonweng le ditlhaelo mo go tlhaloganyeng. (C, M)
- Go lemoga gore go akanya mo go tseneletseng go ikaegile ka kitso ya lekalana la thuto le go tsweletsa go tlhaloganya mo go tseneletseng ka go botsa le ka tlhotlhomiso. (A, B, C, M)
- Go bona botlhokwa jwa boitshoko, bokgoni jwa go fetoga, le bokgoni jwa go samagana le phetogo mo go ithuteng go go tswelelang mo botshelong jotlhe. (M)
- Go fetogela mo maemong a mantšhwa a go ithuta ka kgonagalo ya go fetoga ka ga mekgwa e e farologaneng ya go ithuta. (A, B)
- Go fetolela mo le go tlhaloganya dithekenoloji tse dintšhwa le ditlamorago tse di nang le tsone mo go ithuteng. (A, B)
- Go tlhaeletsana ka tsela e e nonofileng le go dirisana mmogo le ba bangwe mo mafelong a a tlhakanetsweng e le go ithuta go tswa mo megopolong e mentsi. (B, C)
- Go tsaya karolo mo go ithuteng ka tsela e motho a dirisang tshedimosetso ka boitlhamedi le ka kelotlhoko, go tsaya maikarabelo le go iketleeletsa go ithuta mo go rotloetsang ntlhatebo e e anameng ya lefatshe ka phitlhelelo ya lefatshe lotlha ya maemo a gompieno a mafaratlhatlha a botsalano. (B, M)
- Go dirisa go ithuta go nna le bokgoni jwa go tlhama le go arogana tshedimosetso ka inthanete jaaka boleng le mokgwatiriso o o tswelelang wa botshelo jotlhe. (M)
Trudi Jacobson (University at Albany), Tom Mackey (Empire State College), Kelsey O’Brien (University at Albany), Michele Forte (Empire State College) le Emer O’Keeffe (Schalmont School District)
E tlhabolotswe ka la Moranang 11, 2018
2014 Maikaelelo le Maikemisetso a Go Ithuta
Maikaelelo 1: Go sekaseka matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng mo go tseneletseng, go akaretsa matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng, o o fetogang, wa mo inthaneteng, o o jaaka dipampiri tsa tlhotlhomiso tse di aroganngwang pele ga tshekatsheko ya balekane ba akatemeki, diwebosaete tse motho ka nosi kgotsa setlhopha sa batho ba bayang tshedimosetso e ntšhwa ka gale gore batho ba e buise le go tshwaela mo go tsone (di-blog), le di-wiki
- Go baya motswedi wa tshedimosetso mo maemong a yone (sekai, maikemisetso a mokwadi, mofuta wa tshedimosetso, le tsela ya thomelo) go netefatsa boleng jwa matheriale wa seemo seo se se rileng (B, C)
- Go farologanya fa gare ga ditshwaelo tsa tseleganyo le tshedimosetso e e tlhagisitsweng mo mogopolong o o ikaegileng ka tlhotlhomiso thata, go lemoga gore melawanatheo le ditumelo di tsenyeleditswe mo tshedimosetsong yotlhe (C)
- Go tlhomamisa boleng jwa tshedimosetso ya semmuso le e e seng ya semmuso go tswa mo metsweding e e farologaneng various networked sources (ya akatemeki, e e tlhamislweng ke modirisi yo o rileng, di-OER, jj.) (C)
- Go sekaseka tsibogo ya modirisi jaaka motlhotlhomisi yo o matlhagatlhaga; go tlhaloganya mefuta e e farologaneng ya mekgwatiriso ya pegelotiro le maemo mo ditsela tse di tlwaelegileng tsa go neela tshedimosetso le mafaratlhatlha a botsalano (B, C)
- Go tlhaloganya botlhokwa jwa go sekaseka matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng go tswa mo metsweding e e farologaneng, go akaretsa matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng go tswa mo mafaratlhatlheng a botsalano, mo go tseneletseng (A)
Maikemisetso 2: Go tlhaloganya khupamarama ya sebele, melawana ya maitsholo ya tshedimosetso, le dintlha tsa boitlhamedi ka go dirisa monagano jo bo tlhokang tshireletso ka tetlokhopi mo maemong a a fetogang a thekenoloji
- Go farologanya fa gare ga tlhamo ya tshedimosetso ya kwa tshimologong le go tokafatsa kgotsa go dirisa sešwa metswedithuso e e ka kgonang go dirisiwa ke batho botlhe (C)
- Go farologanya mefuta ya tshedimosetso e e maleba go tlhama le go arogana le batho botlhe, le tshedimosetso ya poraefete e e anamisiwang mo maemong a a lekanyeditsweng thata / a tiriso ya khupamarama ka kelotlhoko (C)
- Go dirisa thekenoloji go aga webo e e siameng (B)
- Go dirisa tetlokhopi le thebolo ya dilaesense tse di kgontshang kanamiso e e sa duelelweng le e e gololesegileng ya tlhamo jaaka go le maleba mo tlhamong ya tshedimosetso ya kwa tshimologong kgotsa e e dirisiwang sešwa (B)
- Go lemoga dikakanyetso tsa melawana ya maitsholo a a siameng tsa go aroganya tshedimosetso (A)
- Go bua mo go utlwalang ka botlhokwa jwa kumako ya motswedi kgotsa mokwadi fa go adimiwa boitlhamedi jwa ba bangwe ka go dirisa monagano, jo bo tlhokang tshireletso ka tetlokhophi, go sa kgathalesege gore ke ka sebopego sefe (A)
- Go lemoga maemo a kumako e e nepagetseng ya motswedi kgotsa mokwadi e tlhokegang mo go one le go dirisa kumako eo ya motswedi kgotsa mokgwadi mo go tshwanang (C, B)
Maikaelelo 3: Go arogana tshedimosetso le go dirisana mmogo le ba bangwe mo maemong a a farologaneng a botsayakarolo
- Go tsaya karolo ka matsetseleko mo maemong a tirisanommogo (B)
- Go rwala maikarabelo a botsayakarolo mo maemong a tirisanommogo (A)
- Go bapisa dipharologantsho tse di kgethegileng tsa mefuta e e farologaneng ya tshedimosetso (s.k., athikele ya akatemeki, webosaete e motho ka nosi kgotsa setlhopha sa batho ba bayang tshedimosetso e ntšhwa ka gale gore batho ba e buise le go tshwaela mo go yone (blog), wiki, batho ba ba dirisang inthanete), le go nna le bokgoni jwa go dirisa ka tsela e e nonofileng le go umaka tshedimosetso mo tlhamong ya matheriale wa kwa tshimologong o o tlhagelelang mo webosaeteng (B)
- Go tlhalosa ditlamorago tse di kgonegang tsa metswedithuso ya mo inthaneteng tsa go arogana tshedimosetso (sekwalwa, ditshwantsho, bidio, le mekgwa e mengwe ya tlhaeletsano) ka tirisanommogo le ba bangwe (A)
- Go bontsha bokgoni jwa go fetisetsa tshedimosetso e e tlhagisitsweng ka tsela e e rileng mo tseleng e nngwe go fitlhelela ditlhoko tsa bareetsi ba ba rileng ka tsela e e gaisang; Go tsenyeletsa tshedimosetso go tswa mo metsweding e mentsi mo mefuteng e mentšhwa e e tlhaloganyesegang (M, C)
- Go tlhaeletsana ka tsela e e nonofileng maitemogelo a sebele le a porofešenale go itsise le go thusa ba bangwe; le go lemoga gore barutwana ba ka nna gape barutabana (A, B)
- Go tlhama matheriale wa kwa tshimologong o o maleba o o tlhagelelang mo webosaeteng mo ditlhokong tse di rileng mo dipopegong tse dintsi tsa mekgwa ya tlhaeletsano; go fetisetsa kitso e e bonweng mo mefuteng e mentšhwa mo maemong a a sa kgoneng go bonelwa pele le a a fetogang (B)
- Go bona botlhokwa jwa matheriale o o tlhagelelang mo webosaeteng o o tlhamilweng ke modirisi mongwe le go sekaseka mo go tseneletseng seabe se se dirilweng ke ba bangwe: go ipona jaaka motlhami ga mmogo le jaaka modirisi, wa tshedimosetso (A)
- Go amogela megopolo ya batho mo lefatsheng lotlhe; go dirisa tlhaeletsano le ba bangwe mo maemong a lefatshe lotlhe go rotloetsa go ithuta mo go tseneletseng (A)
Maikaelelo 4: Go bontsha bokgoni jwa go golaganya go ithuta le ditogamaano tsa tlhotlhomiso le ditirego tsa go ithuta go go tswelelang mo botshelong jotlhe le maikaelelo a sebele, a akatemeki, le a porofešenale
- Go tlhomamisa selekano sa potso kgotsa tiro e e tlhokegang go fitlhelela ditlhoko tsa motho (C)
- Go sekaseka sešwa ditlhoko le dikgato tse di latelang mo tiregong yotlhe (C)
- Go bontsha botlhokwa jwa go nyalanya ditlhoko tsa tshedimosetso le ditogamaano tsa go batla le didiriswa tse di maleba tsa go batla (C)
- Go dirisa itshekatsheko go tlhatlhoba go ithuta ga motho le kitso ya tirego ya go ithuta (M)
- Go bontsha bokgoni jwa go akanya go ya ka maemo a a rileng le go fetisetsa go akanya mo go tseneletseng mo thutong e ntšhwa (M)
- Go bona boleng jwa boitshoko, bokgoni jwa go fetoga, le bokgoni jwa go samagana le phetogo (M)
- Go tlhaeletsana ka tsela e e nonofileng le batho ba o dirisanang le bone mo mafelong a a tlhakanetsweng le go ithuta go tswa mo megopolong e mentsi (M)
- Go lemoga le go itse gore go ithuta ke motseletsele wa ditirego le gore go akanya ka kelotlhoko ka diphoso go feleletsa go dirile gore go nne le dikitso le ditemogo tse dintšhwa (M)
- Go tsaya karolo mo go ithuteng ka tsela e motho a dirisang tshedimosetso ka boitlhamedi le ka kelotlhoko, go tsaya maikarabelo le go iketleeletsa go ithuta mo go rotloetsang ntlhatebo e e anameng ya lefatshe ka phitlhelelo ya lefatshe lotlhe ya thekenoloji ya gompieno ya tshedimosetso.(M)
- Go bontsha imaatlafatso ka kamano le tlhagiso ya dikakanyo; go nna le bokgoni jwa go bona se se ka fetisiwang, se se ka fetolwang, le se se rutegang (barutwana ke baithuti le barutabana ka bobedi) (M)
- Go swetsa gore bokgoni jwa go tlhama le go arogana tshedimosetso ka inthanete ke boleng le mokgwatiriso o o tswelelang mo botshelong jotlhe (M)
E tlhamilwe ke batsayakarolo ba ba nnileng le seabe mo SUNY Innovative Instruction Technology Grant, Developing a SUNY-wide Transliteracy Learning Collaborative to Promote Information and Technology Competencies for the 21stCentury, go ikaegile ka maikemisetso mo Mackey and Jacobson, Reframing Information Literacy as a Metaliteracy, C & RL, 72.1 Ferikgong 2011 http://crl.acrl.org/content/72/1/62.full.pdf+html
Michele Forte (Empire State College), Trudi Jacobson (University at Albany), Tom Mackey (Empire State College), Emer O’Keeffe (University at Albany), le Kathleen Stone (Empire State College)
Bannaleseabe ba Tlaleletso: Richard Fogarty (University at Albany), Brian Morgan and Kim Davies-Hoffman (SUNY Geneseo), Jennifer Ashton and Logan Rath (SUNY Brockport), Carleen Huxley (Jefferson Community College), le Nancy E. Adams (Penn State Hershey)
E tlhabolotswe ka la Lwetse 11, 2014
Setswana translation October 1, 2019 by the North-West University UNESCO Chair on Multimodal Learning and Open Educational Resources and Opelo Thole